Masaikategang A Van Wyksvlei mo Kapa Bokone.




Van Wyksvlei e wela fa tlase ga botsamaisi jwa mmasepala wa Kareeberg. Motse  oo onale baagi baba ka balelwa ko tlhase kgotsa go  feta 2000.

Dikgwetlho tsa  lefelo le di dintsi dika thuba jaaka nama ya pitse. Tle ke leke go sedimosetsa, go fitlhela lefelo le gotswa kwa  Carnarvon motsemoshate wa mmasepala otsamala 90 km motseleng ya mmu le maje a masweu. Ga gona  ditirelo tsa  tlhaeletsano mo tseleng e e lebang Van Wyksvlei, fa otla gaelelwa otla itoma sekgono, wa lela selelo sa  mamina le pupuro ya meno.

Mo mogaetsho metsi ga bonale botlhofu, ekare lefatshe lele  huraletsweng ke badimo. Mme se se mmakatsang mafatshe a dibe le tse tsotlhe tse di maswe jaaka bo Gauteng le Kzn a bona metsi le dipula, tota mmopi o setlhogo. Ditonki ke dimumu dipalelwa le kego kua ka dikoma mmu  le maje.Karolo e ya naga e itsege ka bolerui jwa dinku, ba baitsing bare nama ya teng eka  palelwa le bo mabina gotsholwa. Temo thuo ke metlholo moo kgwebo yone  gake bui  ekare ke moila.Nxae mme gake e tshwae phoso ka gonne  golo fa le mochina ga bonale gotlhelele ka lebenkele.Gosetlhafaletse mogo maswe tota nako engwe ketle  ke ipotse gore mafelo a tshwana le aa goreng ane asa  fedisiwe.

 Go bua kesa kgale mathe ganong, reile ra palelwa kego mekamekana le boswa jwa mmuso wa tlhaolele fane re bona "kgololosego" Nnete ele gore mafelo ale mantsi a tlhomilwe lego  diriwa kontle  ga isago le ditlamorago mo dikakanyong. Ke tlare kontle  ga dikgatlhegelo le maitlhomo a bana ba mmala wa sebilo mo tlhaloganyong. Mafelo a jaaka bo Van Wyksvlei gana ponelo pele le ditoro tsa  baagi. Batho ba phua gantswe fa.

Ineele matsogo metsing wetsho, jaanong kafa kele mogakaganyi le mankge wa mananeo a dipalangwa le morulaganyi wa mafelo le kgolagano ya dipalangwa ketshwere phage ka mangana. Tholo ditlhako tse ke dirweleng dia  nkokonela dibokete.

Sa ntlha ke tshwanetse ketle ka leano lago  rebola ditirelo tsa  dipalangwa lego tlhotlheletsa maano a mangwe a puso gotsaya  tsia botlhokwa jwa dira maano rele mogo kgotsa ngatana ele engwe. Mo eleng gore dipalangwa le mafelo a tulo a rulaganwa ka nako ele nngwe. Gape baagi ba bona ditirelo tsa  dipalangwa kontle  ga dikgwetlho dipe. Jaanong are bue, ntlhabe botlhale kgotsa tsitsinya dikgato tse ketla ditsayang fa santse keja marapo a tlhogo mono Van Wyksvlei.

Weno
Obakeng o ile a shelelwa ka malome wa gagwe namane e bonolo le molemo ya Tholo.

O gotle gotwe fa a tlhapaolwa gotwe ke morwa a mene phatla are ke morwa  wa tlhagalala ya mmedi ene aka itsaya aya marung ago bona se ngwedi e sejang. Nako e nngwe fa itumetse atle  are a gopola Mme o motsetseng are ke morolong,namane ya Tholo,mmina tshipi,a ikobe ka ditlhong are santse a ipatlisisa.ke bua bobe tlhe  bagaetsho!

*Ketla apola dihempe, dithupa kadi amogela ka pelo e sweu mo kesentseng setswana teng lego palelwa kego bopa dintlha sentle. Ketlareng  Maburu  le makgoa bare bolaile semoya,senama le setso.

Pula !

Comments

Post a Comment